Search

Diane tsa Setswana le ditlhaloso: downloadable pdf

On this page you will find Diane tsa Setswana le ditlhaloso for Grade 12, Grade 11, Grade 10 in a downloadable pdf format

List of Diane tsa Setswana le ditlhaloso

SeaneTlhaloso
A a bewe (mafoko)Fa motho a latolela mmui wa mafoko (gongwe ka kgakgamalo) gore ga go ka ke ga nna ka tsela eo a buang gore go tla nna ka gona
A bo o bolaya o bo o bipa ka sekopaMonna go sotla ka mosadi wa gagwe, a mo gakgamatse
A borwa (mafoko) a bolelwa go engwe ka dinaoMorongwa o lere molaetsa ka potlako mme a se ka a botsolotswe dipotso go mo dia
A di swe di re roborobo ‘kgomo tsa bogwe diphologolo.Le ka moso!
A dikala di kgaoganye le ditshukudu?Fa ditsala tse di neng di utlwana mo go sa solofelwang ke bangwe gore di ka kgaogana, di kgaogane
A diphalana tse re kileng ra ne re di letsa!Mogodi go ikutlwela botlhoko, a ikgopotsa mo malobeng fa a ne a sa ntse a kgona go ja mokaragana
A diphologolo di atlanegela batsongwana batsomi ba sajoile!
Bana ba kgori monokana o sele, tshika fa e ya baneng e a kgaoganaLosika lo a kgaogana fa lo ntse lo ata go ya pele
Bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsieBana ba motho ba kgaogana sengwe le sengwe le fa se ka nna sennye jang
Bana ba Tshipa ba tsaya mmila o le mongweGantsi bana ba batho ba tshwana ka mokgwa
Bana mamphorwana maatlhamela babolaiBana ga ba na molato
Banna ga ba na thwadi ba bonwe ke mmamarigaMonna ga a ke a rwala thoto jaaka mosadi a tsholela bana.
Banna matshootshoo ba tshosana ka marotaGo le gontsi ponagalo ya motho e a tsietsa
Bodiba ba go ja (bo jeleng) ngwana wa ga mmaago, (e re o feta ka bona o) bo sikologeFa sengwe se se bosula se ka diragalela wa gaeno o ka se rate gore le wena se go diragalele
Bontle bo na le dibelebetšhaneFa o ka ya le bontle jwa ka fa ntle o ka tsielega
Borwa bo phintseGo le tsididi (maruru)
Bosigo ga bo rone ntaDitiro tsa mo lefifing ga di nke di siama
Botlhale jwa phala bo tswa phalanengNgwana/Yo monnye a ka gakolola mogolo
Di fula mo melelwanengKotsi e gaufi le go direga
Dilo makwati, di tsewa mo go ba bangweMotho o tsaya malebela mo bathong ba bangwe
Dintlenyane ke tsa ga motlapele, dibe ke tsa ga mosalamoragoDintlenyane ke tsa ga motlapele, dibe ke tsa ga mosalamorago
Di sa kopaneng ke dithabaLe fa o ka iphitlela motho ko befelong le tile go kopana
E e mašwi ga e itswaleGa se gantsi ngwana a gotsa batsadi ba gagwe
E re go gopola (bona) tshukudu o ikanye setlhareE re o ntse o gopotse motho (kgotsa o bua ka ene) a bo a potologa(mmapisetsa) (tlhagelela)
E se re go e buela lengopeng, magakabe a go lebilega a o dira sengwe o ithaya gore o iphitlhile, go a be go nale yo o go boneng
E tla re re re ke dipitse re di bone ka mebalaGo bona go gaisa go bolelelwa
‘Fifing go tshwaranwa (goganwa) ka dikoboBatho ba le mo tlalelong ba thusana ka go ipopa ngatana e le nngwe
‘Foko la kgosi le agelwa mosakoFa molao o beilwe, mang le mang o a o tlhokomela/obamela
Ga e ke e gangwa ka mogogorwana namane e le tengMotho ga a tshwanela go buelelwa a le teng
Gaabo motho go thebe-phatswaMotho o mogolo kwa ga bona
Jwa pitse (Bojang) ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo hupile/jo bo ko ntle e swa e bo lebile-Sa motho ke se a nang naso, se a iseng a se fitlhele ga ise e nne sa gagwe.
Ka tlhagolela mookana ya re o gola wa ntlhabaO ka godisa ngwana ka dithata tsa gago, ya re a se na go gola a go direla bosula
Ke makgabe a dipapetla a logilwe ke ngwanyana a sa itse go otlha(Se ke itse e le leele [Maele a Setswana]: Go nna makgabe a dipapetla =go itlhaganela)
Ke moleti-moja-natsoFa o senya yona tiro e o thapetsweng go e dira
Kgaka e ntsho e fofa, mebala re e bona e suleDitiro tse di molemo tsa motho di lemogwa fa a sule
Kgakakgolo ga ke na mebala, mebala e dikgakanengMotsadi o tlhokomela bana thata ke ka moo re tshwanetseng go lebelela bontle jwa gagwe mo baneng
Kgetsi(e) ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwaBatho ba dira tiro botoka fa ba e dira ba e kopanetse
Kgomo mogobeng e wetswa ke namaneMmaagwe ngwana o tsena mathateng ka ntlha ya ngwana.
Kgomo ya bogwe e tlhaba ka lenaka lo iname (e lo okile)Fa motho a direla ba bogwegadi o dira ka bojotlhe
Kgosi ke kgosi ka malataMotho ke motho ka batho ba bangwe
Kgosi thipa e sega molotsiFa o laela moeteledipele go thatafaletsa bngwe molao, le wena o tla atlholwa ka ona
Kgosi thothobolo e olela matlakalaMoeteledipele o rwala maikarabelo a balatedi ba gagwe
Khudu ya mariga e itsiwe ke mmeiMotho fa a beile selo ke ene a itseng kwa ke teng
Khutsana e sa sweng e letile mononoFa motho a humanegile o ka nna a huma morago
Korwe ga ke je, ke bapalela tseetseMotsadi ka metlha o gopola bana.
Le fa o ka e buela lengopeng magakabe a e bonaFa motho a dirsengwe a ithaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona.
Le pelong (lefoko) ga le tshetshe
Leaka le moloro mobe e a re le lorile nku le lale le e jele
Lebelo ga le na motlogapeleGa se gore fa le simollotse segwe mmogo le tla fitlhella seo le se batlang ka nako e le nosi
Leeba le letonanyana kunkuru ga le e rutane le le le namagadi mmokong
Lefatshe fatoga ke tsenego tlhajwa ke ditlhong
Lefoko ga le boe go boa monwanaMafoko a kgopisa le go sa lebalege go gaisa go kgotlhwa ka monwana kgotsa ntwa
Lefufa le kile la apeelwa le lejwe, lejwe la butswa lona la salalefufa ga le fele mo bathong
Leitlho le le lengwe le tshabelelwa ke difatlhiGantsi ngwana yo o tsholwang a le esi mo lapeng o atisa go tlhagelwa ke mathata
Lemphorwana la bojalwa ga le fofeLetagwa ga le na tswelelopele
Lepotlapotla le ja podi (pholwana), modikologa o ja kgomo ya tonaGantsi go molemo go ipha nako fa o dira tiro gore e tle e nne ntle. Go pataganya mediro motho o feleletsa a sa wetse epe ya tsone sentle. Go direla sengwe ka bonako go a senya
Leselo nkgokgothe, seupi ke kgomaretseGantsi go nna le ditshupo tse di tshwarang motho fa a itatola selo sa gagwe
Letlametlo ga le ke le lela fela, le a bo le utlwile a magoloFa motho a bua sengwe o a be a utlwile mo go ba bagolo
Lore lo ojwa lo sa le metsingwana o rutwa molao bonnyeng
Mabogo dinku a thebanaBatho ba dira tiro botoka fa ba e kopanetse
Mafatlha a nku a itsiwe ke moegamiMotho o tlhaloganya tiro e a e dirang ka metlha botoka
Mafoko a kgotla a mantle otlhe
Mafura a ngwana ke go rongwaGa se tshiamo go duelela ngwana thomo. Ngwana o tshwanetse go itumedisa batsadi ka go dira ditiro tse a di romiwng kwa ntle ga ngongorego kgotsa tuelo
Magogwe o belaela lemepeGo dumela sengwe kgotsa thulaganyo o ntse o belaela
Malata a ithuna a ile kgonnye
Malope mphe thite, mogola o na le dinyekaGo itshimololela tiro go botoka go na le go newa ya batho ba bangwe
Maropeng go a boelwa go sa boelweng ke tengKwa o kileng wa tsholwa sentle go bonolo go boela
Maru a se nang tladi malebatsaSelo se se iseng se ke se tlhagise kotsi se lebatsa batho
Maru ga se pula mosi ke ona moleloMafoko ga se ditiro mme ditiro ke tsone tse di buwang
Matlho ke diala ga a je sa motho
MayÔ le maboÔ ga a itseweTse di tla diragalang ga di itsiwe
Ena yo o itirileng tsala ya gago, ke ene yo o go tlhanogelang a bo a ja le dira tsa gago.
Mhinyana o a swa, selepe se saleLeina le ditiro tsa motho di sala di itsege ena a setse a ile
Mmangwana o tshwara thipa ka bogalengMotsadi o tla nna a buelela ngwana wa gagwe le ntswa a le phoso
MmitsantŠwa ga a tshole thupaFa o batla sengwe o tshwanetse go ikokobetsa
Mosadi ke tshwene o jewa mabogo, monna Tau o jewa marotaGa se gore motho fa a le montlentle, le mekgwa ya gagwe e ntse fela jalo
Moja morago ke kgosi.
Montsamaisa bosigo ke moleboga bo seleFa o atlegile mo botshelong o leboge ba ba go thusitseng fa o ne o le mo mathateng
Mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlheBotshelo bo lekwa ka maano otlhe.
Moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetlaMotho ke ene fela a kgonang go ipaakanya makoa a gagwe
Moroto o o esi ga o eleMotho a le esi a ka se kgona go dira tiro e e bonagalang(Motho ke motho ka batho ba bangwe)
Mosadi fa a inama o a be a ikantse motlokoloMotho ga a dira sengwe o a be a inkantse se sengwe.
Motho ga a itsewe e se naga.Le fa motho a ka iponatsha a siame ga o kake wa itse maikaelelo a gagwe
Motshega kgarebe ke monyadi wa yonaMotho yo a nyatsang selo a ka tsoga a se dira
Ngwana ntae ke go lae tlhogoputswa ga se molaoMogolo a ka ithuta sengwe go tswa mo ngwnaneng. Ga se gore fa ele mogolo o tla nna a nepile.
Ngwana yo a sa leleng, o swela tharingMotho yo a sa tlhagiseng mathata a gagwe ga a kitla a bona thuso.
Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rragweNgwana yo o se nang maitseo o palela motsadi wa gagwe.
Nna o nkgokgotha leselo seupe ke go kgomaretse
O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yoneMotho le fa a ka nna le madi kgotsa botshelo jo bontle jang kgotsa jang, go ya tlase ga gagwe go tla tswa mo go reng o itshotse jang le gore o tshotse batho bangwe jang teng godimo koo.
O se bone thola borethe, teng ga yone go a babaGa se gore motho fa a le montlentle, le mekgwa ya gagwe e ntse fela jalo
O se tshege yo o o(we)leng, mareledi a sa le peleSe ka wa re fa o bona mongwe a tlhagetswe ke tsietsi wa sotla ka ena, e ka re ka moso wa tsoga o wetswe ke bomadimabe mme wa tlhoka kutlwelobotlhoko
O tshega-tshega di ja mme, e tla re di ja mmago, wa lelaO se tshege yo o leng mo dipharagobeng ka gonne ka moso e tlabo e le wena.
Phiri e sola bobowa mokgwa ga e o latlheMotho ga a nke a latlha mekgwa ya gagwe
Phiri o rile ga bo se gangweMotho fa a kgobokantse o a ipeela, a naganele ka moso
Phokojwe ga a ke a latlha mosesele e le wa yonaMotho ga a nke a latlha mekgwa ya gagwe
Phokoje go tshela yo o dithetsenyanaMotho go tshela yo o botlhale
Pinyana fa e re ping, e a bo e utlwile tse di kgoloNgwana fa a bua sengwe o a bo a utlwile mo go ba bagolo
Seboba re bata sa mokwatla, sa mpa re a mpampetsaO ka itshwarela mo ga eno go na le motswakwa
bodu se lekwa ka legano, sa nko se latsa le naga.eMathata(kgotlang) e rarabololwa ka go bua eseng go ngalelana.
Sedikwa/ setshswarwa ke ntš(w)a-pedi ga se thataTiro ga e nke e pala fa e tlhakanetswe (tlhakanelwa)
Sekukuni se bonwa ke sebataladiFa motho a dira sengwe a ithaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona.
Setoto (setopo) se bitsa manongKwa kgora e leng teng, batho ba nna bantsi
Setopo re supa sa nakedi, magogwe re mmega a suleLegodu le tshwarwang ka merwalo.
Seyabogwe se tletse, se boa se tletseFa o se ngame kgotsa fa o thusa ba bangwe ka dilo tsa gago, le bona ba tla go tshola ka mokgwa oo
Susu o ilela suswane, gore suswane a tle a mo ileleFa o le kwa godimo ka maemo, o tswhanetse go rekegela ba ba botlana mo go wena
Tadi e amusaMotshegare o mogolo (Sethoboloko)
Thupa go fedile ya dikgomo, ga sala ya bathoBana ba tshwanetse go aga ba kgalemelwa, ba sa lomelediwe.
Tau e iphutha metlhala e le nosi e na le bana (malawana) mafaratlhatlha
Tau e se na(ng) seboka e siiwa ke none e tlhotsaFa batho ba se seoposengwe ba ka se kgone tiro
Tau ga e ke e ja ngwana e sa mo tsalaMotho yo a se nang kamano le wena, ga se gantsi a ka go direla molemo
Tedutshweu ga se botsofeSetshwano sa motho se na le go go tsietsa
Thebe ya sebodu ke lelemeMotlapa o itshereletsa ka go bua thata.
Thotana e se nang khudutlou, bolobete ba ipha nagaBatho gantsi ba itaola fa moeteledipele a se yo
Thubisi ga e bonwe, e bonwa ke motsogapeleSelo sa botlhokwa se a phakelelwa, se tseelwe matsapa
Thukhwi o rile : “Ke lebelo”. Marota a re : “Ke Namile”.Mo botshelong motho a se ka a tshepa gore a ka bo kgona a le esi
Tladi e bogale e sa tswa marungBotlhoko jwa tiragalo e e masisi bo fokotsega morago ga lebaka
Tlhapi holofela leraga meetse a pshele o a bonaGo botoka go itlwaetsa go dira tiro go sa le gale (mogopolo o sa le moshwa) e se re gongwe wa diega mme o feletse o sa bona se o neng o se batla. / Solofela mathata gonne se o ikantseng sone se ka go tlogela.
Tlhotsa pele ga se swa peleGo kgorelediwa ke mathata pele ga ba bangwe ga go kae gore ga o ye go atlega
Tloga tloga e tloga kgale, modisa wa dikgomo o tswa natso sakengGo dira tiro go santse go le phakela go phala go e dira letsatsi pele ga e tlhokiwa
Tloga tloga e tloga kgale, modisa wa dikgomo o tswa natso sakengGo dira tiro go santse go le phakela go phala go e dira letsatsi pele ga e tlhokiwa
Tsala e bolaile tsieMogolo tsenngwa mathateng ke ngwana
Tsebe e ya moletlong e sa o lalediwaMotho o a tle a utlwe mafoko a a sa tshwanelang go a utl
Tsetse e seng eno ke namaSelo e seng sa gago ga o se rekegele, gantsi o se dirisa fela ka fa o ka kgonang ka teng. Kgomo e tsetse ga e a tshwanelwa go tlhajwa, mme fa e se ya gago o e tlhaba fela o sa e rekegele
Tsela kgopo ga e latse nagengGantsi go molemo go ipha nako fa o dira tiro gore e tle e nne ntle. Go pataganya mediro motho o feleletsa a sa wetse epe ya tsone sentle. Go direla sengwe ka bonako go a senya
Tsetse e seng eno ke namaSelo e seng sa gago ga o se rekegele, gantsi o se dirisa fela ka fa o ka kgonang ka teng. Kgomo e tsetse ga e a tshwanelwa go tlhajwa, mme fa e se ya gago o e tlhaba fela o sa e rekegele
Tshega e fapogile metsetelo (marago)Go senyegile
Tshimo ya mosadi sekgwanamosadi o jwala a tlopela
Tshipo o rile ke lebelo, (marota) motlhaba w(a) re ke namileMotho le fa a ka dira bobe mme a re o a siya, o tla bo a nne a tshwarwe la bofelo.
Tsholofelo (ya pelo) ga e tlhabise ditlhongMotho fa a solofeditswe sengwe, kana a itsholofeditse sengwe mme se sa bonale, ga a tlhajwe ke ditlhong.
Tshoswane e kile ya roma tlouGo ka diragala gore mmotlana a laole mogolo.
Tshukudu e fetang maokana, pounama di botlhokoFa motho a lesa se o tlwaetseng go se dira, mokgwa o a bo o le teng
Tshukudu e se nang ngwana e ikisa mokgobongMotho a se nang ngwana o itirela ditiro ka esi
Tshukudu e tswa sekgweng e tlhabilweMotho o ntshisiwa boammaruri ke go kokonelwa ke diteteo
Tshukudu kwa gobe e isiwa ke ngwanaBagolo ba tsenngwa ke ngwana mo mathateng
Tshwene ga e ipone makopo(mariba)Ga go bonolo go lemoga makoa a gago kgotsa go ipona phoso
Tshwene ga e ke e re ga ke pilaMotho mongwe le mongwe o bona bontle le botswerere ka nako tsotlhe fa a iteba. Le fa motho a ka tswa a le maswe go le kae, ga a ke a dumela fa a ntse jalo
Tshwene mopalami, mme ga a lebale go waModira-dibe o itse ka lobaka lotlhe fa e tlaa re ka letsatsi lengwe a tshwarwe, ga a lebale go loga maano go itlhokomela gore fa a ka tshwarwa a tle a falole ka mokgwa mongwe
Tshwene o bonye mapalamo mafologo ga a a bonaMotho o bonye fela leano la go dira selo, la go se dirolola ga a a le bona
Tshwenyana e e bowa bo ntlha e a ikilelaFa o ikitse o le madimabe o tshwanetse go iphapha mo dilong
Tshweu ga di tshwane go tshwana dintshoMerafe e mesweu e a bo e ntse e eme mmogo fela ka dipaka tsotlhe, e mentsho yone e a lwantshana
Tsie e boswa seanongFa motho a batla go huma o tshwanetse gore a tlhoafale jaanong a ipapalele, a se ka a tlhola a re ka moso
Tsie e fofa ka moswangMotho o dira sentle ga a jele
Tsie e senya ka bontsiGantsi Bogodu bo atlega fa le bodira le le bantsi.
Tsweetswee e roba ditokololoFa motho a kopa ka lobaka lo lo leele o feletsa a bone se a sekopang. O ka fitlhela a bone se a se boneng fa yo a mo kopang a feletsa a mo tlhomogela pelo

Diane tsa Setswana le ditlhaloso

dentistry career in South Africa Prev Post
Requirements needed to become a Dentist in South Africa
Find Easy and Unique English Speech Topics suitable for Grade 11 and Class 11 Next Post
91 Unique English Speech Topics for Grade 11 | Class 11

Add Comment

Your email is safe with us.