Drama: Ga se Lorato Setswana Grade 12: Mind the Gap Guide pdf download

On this page, you will find Drama: Ga se Lorato Setswana Grade 12: Mind the Gap Guide, which includes downloadable pdf, Book Summary, Characters, Plot, Themes, Study Guide

Download the Drama: Ga se Lorato Setswana Grade 12: Mind the Gap Guide

Summary: THADISO YA GA SE LORATO

Ga se lorato ke terama e e buang ka lorato lo e seng lwa nnete. Mogapatiro/ Modiragatsimogolo e leng Motsamai, o ratana le Angeline, Suzan le Gladys a ntse a nyalane le Gadifele. Angeline, Suzan le Gladys ba ne ba sa rate Motsamai ka lorato lwa nnete, ba ne ba mo ratela se a neng a se ba direla. Motsamai le ena o ne a sa rate mosadi wa gagwe Gadifele ka lerato la nnete ka gonne o ne a mo tlogela mo lelapeng a ineela basadi ba bangwe.O ne a ikgatholosa maikarabelo a gagwe jaaka rre wa lelapa ka ntlha ya fa a tlhokometse malapa a basadi ba bangwe. Basadi ba, fa ba sena go fitlhelela/bona se ba se batlang mo go Motsamai ba a mo tlogela/koba. O felelwa ke tiro mme o boela kwa lelapeng la gagwe le a le tlogetseng fela a sa le tlamela, / a sa le tlhokomele/a sa le direle sepe. O fitlhela bana ba gagwe e leng Emang le Lesego ba godile ba setse ba dira. Ga ba mo amogele ka diatla tsoo pedi/ka boitumelo/ka dipelo tse di phothulogileng, o feleletsa a idibala a tlhokafala, mme setopo sa gagwe se se na yo o ka se tlhokomelang kgotsa go se phuthang.

TSHOBOKANYO YA GA SE LORATO

  • Motsamai yo e leng modiragatsimogolo/mogapatiro, o dira mmogo le Lenkapere le Gosekwang kwa United Tobacco Company (UTC).
  • Motsamai o bontsha kgatlhego mo go Angeline, kgarejana e e sa tswang go thapiwa kwa UTC.
  • Badirammogo le Motsamai ba lekile go mo gakolola gore ke rre yo o nyetseng le gore mosetsana o tlaa mo thubela lelapa, a mo jele madi mme a mo phuaganye.
  • Motsamai o akanya gore ba a mo fufegela mme o tsweletsa maikaelelo a gagwe a go ipala mabala a kgaka mo go Angeline.
  • Angeline o dumela gore ba tsene mo kgolaganong ya lerato, mme o raela
  • Motsamai gore a lale digoba / a se robale gae /a lale nageng ka lona letsatsi leo. Motsamai o tagiwa ke lorato/o tlhakanngwa tlhogo ke lorato/o fekeediwa ke lorato a ba o ikgatholosa mosadi wa gagwe Gadifele le bana e leng, Lesego le Emang.
  • O rekela Angeline ntlo kwa Mogwase Unit 5.
  • Angeline o fudugela kwa ntlong e ntšhwa le morwae, Morake.
  • Morago Angeline le ngwana wa gagwe e leng Morake ba nyatsa Motsamai, Angeline a re o palelwa ke go reka fenitšhara, Morake le ena o tlhalosa fa
  • Motsamai amo lapisa gonne a mo tshola jaaka lesea, ba a mo koba.
  • Motsamai o boela kwa ga gagwe.
  • Morago o kopana le Suzan kwa teropong ya Tlhabane.
  • O ratana le ena, o mo rekela bene, o mo simololela kgwebo ya go rekisa merogo le go mo agela lebenkele.
  • O phuaganya bana le mosadi gape.
  • Suzan o kwadisa lebenkele ka morwae, Sentebaleng mme ba koba Motsamai morago ga gore a ba direle dilo tsotlhe tse.
  • Motsamai o ya kwa agenteng, e leng Morena Meteor go ya go itela /ngongorega fa a tseelwa lebenkele.
  • Morena Meteor o mmegela / itsise fa lebenkele le kwadisitswe ka Sentebaleng. Motsamai ga a bake, o tswelela go ratana le Gladys.
  • O mo epela metsi a bo a mo tlhabololela ntlo.
  • Morago ga go dira tseo, monna wa lenyalo wa ga Gladys, Kefentse o boela fa lelapeng la gagwe.
  • O batla go itse gore Motsamai o batla eng mo lelapeng ya gagwe.
  • O tshosetsaMotsamai ka seletswana, o mo saenisa konteraka ya gore a mo dueleR10 000 go nna fa ga gagwe mme morago o a mo koba.
  • Motsamai o boela kwa ga gagwe, o fitlhela bana ba godile ba setse ba dira e bile ba agetse mmaabona ntlo.
  • Ga a amogelwe ka diatla tsoopedi/ ga a amogelesege sentle.
  • O bitsa balelapa la gagwe le ditsala go ngongorega fa a sa tsholwa jaaka rre wa lelapa.
  • Ba lelepa la gagwe ba mo tlogela le Selapo, o a wa/idibala a bo a tlhokafala.
  • Setopo sa gagwe se tlhoka yo a ka se phuthang.

Characters: Batlaleletsi ba mogapatiro e leng Motsamai ke baba latelang:

  • Angeline (Angy,Dudu,Sisi Angy);
  • Suzan Lemphetile (Suzie);
  • Gladys (Glad);
  • Morake;
  • Sentebaleng;
  • Kefentse;
  • Lenkapere;
  • Gosekwang;

Characters: Batlaleletsi ba mokganatiro

  • Lesego;
  • Emang;
  • Lenkapere;
  • Gosekwamang;
  • Selapo;
  • Mmantsho;
  • T shidiso;
  • Ontebile;.


Looking for something specific?